Matthew 20

Setshwantsho ka badiri mo tshimong

1Setshwantsho sengwe ke se se se tshwantshang Bogosi jwa Legodimo. “Mong wa tshimo o kile a phakela go ya go thapela tshimo ya gagwe ya thobo badiri. 2A dumalana go ba duela madi a tuelo ya letsatsi, hong a ba laela go ya go dira.

3“Morago ga dioura di se kae, o na a feta fa ntlong e go thapelwang batho teng mme a bona banna bangwe ba eme foo ba batla tiro, 4jalo le bone a ba romela mo masimong a gagwe, a ba bolelela gore o tlaa ba duela fela se se ba tshwanetseng fa letsatsi le phirima. 5Mo motshegareng wa sethoboloko, le mo tshokologong e ka nna nako ya boraro a nna a tswelela ka go thapa badiri.

6“Ka nako ya botlhano mo go one maitseboa ao, a ya kwa motseng gape, mme a bona banna ba bangwe gape ba eme teng foo mme a ba botsa a re, ‘Ke eng fa lo ntse fela lo sa dire sepe letsatsi lotlhe?’ 7Ba araba ba re, ‘Ke ka gore ga go ope yo o re thapileng’. Hong a ba raya a re, ‘tsamayang lo ye go tlatsa ba bangwe mo masimong a me.’

8“Mo maitseboeng ao a raya radituelo wa gagwe a re a bitse banna bao a ba duele, a simolola pele ka banna ba bofelo. 9E rile fa banna ba ba thapilweng ka nako ya botlhano ba duelwa mongwe le mongwe wa bone o na a amogela madi a tuelo ya letsatsi. 10E rile fa banna ba ba thapilweng pele ba tla go tsaya a bone, ba ne ba ithaya ba re ba tlaa amogela go feta foo thata. Le bone ba ne ba duelwa madi a lekanang le a ba bangwe.

11
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 20:12.
12
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 20:11-12.
“Ba ngongorega ba re, ‘Batho bale ba dirile lobaka lwa oura fela, le fa go ntse jalo a oba duetse jaaka rona ba re dirileng letsatsi lotlhe mo mogoteng o o fisang’.

13“Mme a araba mongwe wa bone aa re ‘Tsala, ga ke a go fosetsa ka gope! A o ne o sa dumalana go dira o duelwa tuelo ya letsatsi? 14A tseye o tsamaye. Ke keletso ya me go lo duela ka go lekana; 15a go kgatlhanong le molao go ntsha madi a me fa ke batla go dira jalo? A o tshwanetse go kgotswa ka go bo ke le kutlwelobotlhoko?’ 16Mme fela jalo, ba morago e tlaa nna ba ntlha, ba ntlha e tlaa nna ba morago.”

Jesus o bua ka ga go sotlwa le go bolawa ga gagwe

17Mme ya re Jesu a le mo tseleng a ya Jerusalema, a tseela barutwa ba ba lesome le bobedi kwa thoko, 18mme a bua nabo ka ga se se tlaa mo diragalelang fa ba goroga. “Ke tlaa neelwa baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuda ba bangwe, mme ba tlaa nkatlholela loso. 19Me ba tlaa ntsenya mo diatleng tsa mmuso wa Roma, ke tlaa sotlwa ke bapolwa, mme e tlaa re mo letsatsing la boraro ke rule.”

Kopo ya mosadi wa ga Sebede

20Hong mmaagwe Jakobe le Johane bomorwa Sebede, a ba lere kwa go Jesu, a obama, a kopa thuso.

21Jesu a mmotsa a re “O batla ke go direlang?” Mme a fetola a re, “Mo Bogosing jwa gago, a o tlaa letla bomorwaake ba babedi go nna mo ditilong tse pedi go bapa le sa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa go la molema?”

22Mme Jesu a mo fetola a re, “Ga o itse se o se lopang!” Mme a retologela kwa go Jakobe le Johane a ba botsa a re, “A lo nonofile go nwa mo senwelong se se boitshegang se ke tlaa tlogang kee nwa mo go sone?” Jalo ba fetola ba re, “Ee, re nonofile.”

23Mme a ba fetola a re, “Lo tlaa nwa mo go sone ruri. Mme ga ke na thata go bua gore ke mang yo o tlaa nnang mo ditilong go bapa le same. Maemo ao a beetswe batho ba Rre a ba tlhophang”.

24Barutwa ba bangwe ba ba lesome ba ne ba gakala fa ba utlwa ka go se Jakobe le Johane ba se lopileng.

25Mme Jesu a ba bitsa botlhe a ba raya a re, “Mo baheitaneng, dikgosi ke batho ba ba bogoma, mme le bagolwane ba ba ka fa tlase ga tsone, ba dipisa ba ba ka fa tlase ga bone. 26Mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang mo go lona yo o batlang go nna moeteledipele, o tshwanetse go nna motlhanka wa lona. 27Mme fa o batla go nna kwa godimodimo, o tshwanetse go dira jaaka lekgoba. 28Mokgwa wa lona o tshwanetse go nna jaaka wa me, gonne nna Morwa Motho, ga ke a tlela go direlwa, fa e se go direla, le go ntshetsa ba le bantsi botshelo jwa me go nna thekololo.”

Jesu o foufolola difofu tse pedi

29E rile Jesu le barutwa ba tswa mo motseng wa Jeriko, bontsintsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago.

30Banna ba le babedi ba difofu ba ne ba ntse fa thoko ga tsela mme e rile fa ba utlwa gore Jesu o e tla ba simolola go goa ba re, “Morena, Morwa Dafide, re utlwele botlhoko!”

31Bontsintsi jwa batho jwa ba raya jwa re ba didimale, mme ba goela godimo go gaisa pele.

32
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 20:33.
33
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 20:32-33.
E rile a tla fa difofu di neng di le teng a ema mo tseleng a botsa a re, “Lo batla ke lo direlang?” Mme ba fetola ba re, “Morena re batla go bona!”

34Jesu a ba utlwela botlhoko a ama matlho a bone. Mme ya re gone fela foo ba foufologa, ba mo sala morago.
Copyright information for TsnLEF